Ga se lorato
Ga se lorato ke padi e e re rutang maikarabelo lego tshepagala. Motsamai ga a tlhokomele bana le mosadi, fela o kgona go direla bakapelo ba gagwe, kwa ga gagwe go maswe mee bana ba gagwe ba bolawa ke tlala, o palelwa go ba tlamela ka R300 fela. Lwa ntlha Motsamai o ratana le Angeline, a mo agela ntlo. A ratana gape le Suzan, ene a mo agela lebenkele. Lwa bofelo a ratana le Gladys mee le ena a mo tsenyetsa metsi mo segotlong a ba a godisa ntlo ya gagwe. Botlhe ba ne ba mo koba fa a fetsa go ba direla tse ba neng ba di tlhoka. Oboela kwa ga gagwe mme o fi tlhela Lesego e setse e le morutabana, mme Emang ana e le mooki. Mmabona Gadifele le ena a iponetse tiro. Botshelo bo monate kwa ntle ga gagwe
Print Book, Tswana, 1996
Shuter & Shooter, Pietermaritzburg, 1996